Babel

The Tower of Babel (Genesis 11: 1-9)

Setswana (Tswana)

  1. Jaanong lefatshe lotlhe la tswelela le na le puo e le nngwe fela le mafoko a le mangwe fela.
  2. Mme ga diragala gore fa ba tsere loeto ba ela ntlheng ya botlhaba kgabagare ba bona lebala la mokgatšha mo lefatsheng la Shinare, mme ba nna mo go lone.
  3. Mme ba simolola go raana ba re: "Tlang! A re direng ditena mme re di beseng ka go di fisa." Ka jalo setena e ne e le leje la bone, mme bitumena e ne e le seretse sa bone.
  4. Jaanong ba re: "Tlang! A re ikageleng motse le tora e bogodimo jwa yone bo fitlhang kwa magodimong, mme a re itireleng leina le le tumileng, e se re kgotsa ra gasama mo godimo ga lefatshe lotlhe."
  5. Mme Jehofa a fologa go ya go bona motse le tora e bomorwa batho ba neng ba e agile.
  6. Morago ga moo Jehofa a re: "Bona! Ke setšhaba se le sengwe fela e bile botlhe ba na le puo e le nngwe fela, mme seno ke se ba simololang go se dira. Aitsane, jaanong ga go na sepe se ba ka tswang ba gopotse go se dira se ba ka se kang ba se fitlhelela.
  7. Tlang jaanong! A re fologeng mme re tlhaktlhakanyeng puo ya bone gore yo mongwe a se ka a reetsa puo ya yo mongwe."
  8. Ka jalo go tswa koo Jehofa a ba gasamisetsa mo godimo ga lefatshe lotlhe, mme kgabagare ba tlogela go aga motse.
  9. Ke gone ka moo leina la one le neng la bidiwa Babele, ka gonne Jehofa o ne a tlhakatlhakantse puo ya lefatshe lotlhe gone, e bile go tswa koo Jehofa o ne a ba gasamiseditse mo godimo ga lefatshe lotlhe.

From: Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo

[top]


Green Web Hosting - Kualo

Why not share this page:

 

iVisa.com

If you like this site and find it useful, you can support it by making a donation via PayPal or Patreon, or by contributing in other ways. Omniglot is how I make my living.

 

Note: all links on this site to Amazon.com, Amazon.co.uk and Amazon.fr are affiliate links. This means I earn a commission if you click on any of them and buy something. So by clicking on these links you can help to support this site.

Get a 30-day Free Trial of Amazon Prime (UK)

If you're looking for home or car insurance in the UK, why not try Policy Expert?

[top]

iVisa.com